Matthew 6

Tsela ya go fa bahumanegi

1“Mme elang tlhoko! Se direng tshiamo ya lona fa pele ga batho gore ba lo tlotle, fa lo dira jalo ga lona go bona tuelo e e tswang kwa go Rraeno yo o kwa legodimong. 2Fa o naya mokopi mpho, se bue kaga yone mo mpepeneneng jaaka baitimokanyi ba dira: ba letsa ditorompeta mo dikerekeng le mo mebileng ya motse gore ditiro tsa bone tsa lorato di tle di bonwe! Ke a lo bolelela ka pelo yotlhe, ba setse ba amogetse tuelo yotlhe, e ba neng ba tlaa e bona. 3Mme fa o direla mongwe tshiamo, ka sephiri, se bolelele lebogo la gago la molema se se dirwang ke lebogo la moja. 4Mme Rraeno yo o itseng diphiri tsotlhe o tla go duela.

Go rapela

5“Mme jaanong kaga thapelo. Fa lo rapela, lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi ba ba ipaang jaaka o ka re ke ba ba obamelang Modimo ka go rapela mo ponong ya mongwe le mongwe mo makopanelong a mebila le mo dikerekeng mo ba ka bonwang ke mongwe le mongwe teng. Ammaaruri ke yone tuelo yotlhe e ba tlaa lalang ba e bonye. 6Mme fa o rapela, tsamaya o le nosi, o itswalele mo tlung mme o rapele Rraeno ka sephiri, mme Rraeno yo o itseng diphiri tsa gago, o tlaa go duela.

7
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 6:8.
8
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 6:7-8.
“Se, boaboele thapelo ya gago jaaka baheitane ba dira, ba ba gopolang gore dithapelo di arabiwa fela ka go boaboelwa. Gakologelwa gore Rrago o itse se tota o se tlhokang pele ga o mo kopa!
9Rapelang jaana:

‘Rraetsho yo o kwa legodimong re tlotla leina la gago le le itshephileng.
10Re kopa gore bogosi jwa gago bo tle ka bofefo. A go rata ga gago go dirwe mono lefatshing jaaka go dirwa kwa legodimong.

11Re neele dijo tsa rona gape gompieno jaaka malatsi otlhe. 12Mme o re itshwarele dibe tsa rona, jaaka re itshwaretse ba ba re leofetseng. 13Se re ise mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. Amen.’

14
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 6:15.
15
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 6:14-15.
Rraeno wa Legodimo o tlaa go itshwarela, fa o itshwarela ba ba go leofelang, mme fa o gana go ba itshwarela ga a kitla a go itshwarela.

Go ikitsa dijo

16“Jaanong ka ga go ikitsa dijo; fa o ikitsa dijo, o tlogela dijo ka maikaelelo a semowa, se dire jalo mo mpepeneneng, jaaka baitimokanyi ba dira ba leka go itlhontsha difatlhogo le go tlhoka go apara sentle gore batho ba ba utlwele botlhoko. Ammaaruri, ke yone tuelo e ba tlaa lalang ba e bonye.

17“Mme fa o ikitsa dijo, apara sentle, 18Gore le fa e le ope a seka a belaela gore o bolailwe ke tlala, fa e se Rraeno fela yo o itseng sephiri sengwe le sengwe. Mme o tlaa go duela.

Khumo ya kwa legodimong

19“Se boloke dikhumo tsa gago fano mo lefatshing mo di ka senyegang kgotsa tsa utswiwa. 20Di boloke kwa legodimong kwa di se kitlang di latlhegelwa ke tlhwatlhwa teng, di bolokesegile mo magodung!

21“Fa dikhumo tsa gago di le kwa legodimong le pelo ya gago e tlaa nna teng.

22“Fa leitlho la gago le itshekile go tlaa nna lesedi mo pelong ya gago. 23Mme fa leitlho la gago le sirilwe ke dikgopolo tse di bosula le dikeletso, o mo botennye jwa lefifi la semowa. Ao, kana lefifi leo le ka nna legolo thata jang!

24“Ga o ka ke wa direla barena ba le babedi: Modimo le madi. Ka o tla ila yo mongwe o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka tsela e sele.

Lo se tshwenyege

25“Jalo he, tlhagiso ya me ke e: se tshwenyegeng ka ga dilo-ebong dijo, dino, madi le diaparo. Ka gore o setse o na le botshelo le mmele-mme di botlhokwa go na le se se tshwanetseng go jewa le se se tshwanetseng go aparwa. 26Bonang dinonyane! Ga di tshwenyege kaga se se jewang ga di tlhoke go jala kgotsa go roba kgotsa go boloka dijo ka gore Rraalona wa Legodimo o a di otla. Mme lona lo tlhwatlhwa kgolo mo go ene go na le tsone. 27A ditlhobaelo tsa lona tsotlhe di ka oketsa botshelo jwa lona ka motsotso o le mongwe?

28“Mme ke eng fa o tlhobaela kaga diaparo tsa gago. Lebang dithunya tsa naga! Ga di tlhobaele kaga diaparo tsa tsone. 29Le fa go ntse jalo, Kgosi Solomone mo kgalalelong ya gagwe o na a sa apesiwa bontle jaaka di ntse. 30Mme fa Modimo o tlhokomela dithunya tse di fano gompieno ka tlhokomelo e kgolo, mme ka moso di be di seyo, a tota ga o na go lo tlhokomela, lona batho ba tumelo e potlana?

31
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 6:32.
32
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 6:31-32.
“Jalo he, se tlhobaeleng gotlhelele kaga go nna le dijo tse di lekanyeng le diaparo. Ke eng fa lo nna jaaka baheitane ka gore ba nna le boikgantsho mo dilong tse tsotlhe, gape ba amega thata kaga tsone, mme Rraeno wa legodimo o setse a itse sentle gore lo a di tlhoka.

33“Mme ka boitumelo o tlaa di lo naya fa lo mo naya tlotlo e kgolo mo botshelong jwa lona.

34“Jalo he, se tlhobaeleleng bokamoso, Modimo o tlaa tlhokomela bokamoso jwa lona. Lebogelang tlhabo ya letsatsi e lo e boneng.
Copyright information for TsnLEF